DIANE TSA SETSWANA (Proverbs)
πͺΆ Bogwera go rupa jwa thupa
-
π Ga go na kgomo ya boroko
-
πΆπ½ Ngwana o sa leleng o swela tharing
-
π΅π½♂️ Ngwana fa a lelela legodu o le mo neele
-
π Lemme ga le bolae, go bolaya lefifi
-
π©️ Bana ba tladi ba anywela leratleng
-
π€ Mabogo dinku, a a thebana
-
π¨ Molemo wa mosi ke go o tlogela
-
π―️ Lefoko ga le boe, go boa monwana
-
π Maoto a nong ke phofa
-
π π½♀️ Mphemphe e a lapisa, motho o kgonwa ke sa gagwe
-
π± Lore lo ojwa lo sa le metsi
-
π’ Phudufudu ga e tlhatlhelwe mme lemipi la yone le fetwa ke la podi
-
π£ Phatlaphatla e a iphatlaletsa, kgobakgoba e a ikgobokanyetsa
-
ππ½ Modimo ga o je nkabo
-
π§️ Moroka o sita ka pula
-
π Montsamaisa bosigo ke mo leboga bo sele
-
πΎ Ntswanyana ya maitaya sebata e bonwa mabotabotong
-
π Tloga-tloga e tloga gale modisa wa kgomo o bolola nayo
-
π Tlou e tlotse noka tlowana
-
π΅ Ntlhomola mmutlwa ga se nkuta lonao
-
π Senampatshwane sa morwadia kgosi se bonwa motlhang bojale bo aloga
-
π§π½♀️ Moloi ga a mmala
-
π Dikgomo go kubetsana tsa lesaka
-
❄️ Moeng wa mariga o adingwa mpa
-
πͺ Mong wa thipa re ja nae, re lebala mmesi
-
π Mosadi fa a inama o a be a ikantse mosese wa marago
-
π€ Mosadi o sa tloleng o itshaba thosola
-
π₯ Molelo wa Modimo ga o ke o tingwa
-
π Se nkganang se nthola morwalo
-
π€️ Se a re go tlogelwa tsatsing se ikise meriting
-
π§️ Mosele wa pula o etΕ‘wa go sale gale
-
π€±π½ Nkgodi go lelalwa yo o tshotseng
-
π Motse re feta wa balala, wa boruakgomo re tsena ka one
-
π¦ Kgori e bona lee, lerapo ga e le bone
-
π½ Molema-thite ga se mhodi
-
π Motshega-kgarejwana ke motsei wa yone
-
π³ Ditlhare di na tsotlhe
-
π Mosito wa photi o tsosa di letseng
-
π¦ Tshukudu ya feta marwana, dipounama di botlhoko
-
π Le pelong ga le tshetse
-
π₯ Molelo o fisa baori ba one
-
π️ Matlo go Ε‘wa mabapi
-
π« Ga e ke e phetsolela nageng
-
πΌ E e maΕ‘wi ga e itsale
-
π Sedikwa ke ntΕ‘a-pedi ga se thata
-
π¦ Kgaka-kgolo ga ke na mebala, mebala e dikgakaneng
-
☠️ Bontsi bo bolaya noga
-
π Tau e iphutha metlhala e le nosi, fa e na le ditawana mafaratlhatlha
-
ππ½ Lobelo ga se lwa motlogapele, ke lwa mong wa lone
No comments:
Post a Comment